
Hosted by SABC News and Current Affairs · EN

A kasi-based mini documentary about people who are addicted to drugs and why they are struggling to leave them.

Karyn White speaks to Kelebogile Kgetse on SABC Motsweding Fm's Itlhabe Botlhale Current Affairs show, during her tour to Mafikeng - South Africa, at the Mahika Mahikeng Cultural Festival

Motlhagisi Lebogang Korogo o buisana le Harmony Malope wa setheo sa 'Basadi ba Moshito Foundation'.

Tshegofatso Mothibedi o buisana le motsamaisi wa project ya go fetolwa ga mokgwa wa kgale wa go amogela ditirelo tsa television, Tebogo Leshope.

Thabiso Moss o buisana le mogokaganyi wa bosetshaba wa committe ya nakwana e tlhomilweng go tsamaisa merero ya league ya basha, Joy Maimela ka gore conference ya bona e sweditse gore go tshwanetse ga nna le kemedi ya di-percent di le masome-mabedi-le-botlhano ya basha mo dimmasepaleng

Tshwabiso Monanyane o bua le moitseanape wa ikonomi kwa South African Reserve Bank, Amon Moleko, ka tiro ya Reserve Bank jaaka e tshwara dingwaga tse 100.

Tshegofatso Mothibedi o buisana le sebueledi sa NPA Sipho Ngwema ka ga kgato ya bone ya go simolola sesha go batlisisa melato e tswetsweng ya bosinyi jwa Apartheid e e akaretsang dipolao tsa Bantsho.

Thabiso Moss o buisana le mogaka wa ANC, Dr S Zikalala le sebueledi sa SACP Dr A Mashilo ba ba reng go atlholwa ga mopresidente wa pele Jacob Zuma go a swabisa, bogolo ka fa a ne a sa obamele taelo ya kgotlatshekelo ya molaotheo, mme e le molwela kgololosego yo o netefaditseng fa go nna le molaotheo. Ba re o nyaditse komishini e e eteletsweng pele ke motlatsa moatlhodi mogolo R Zondo, e a e supileng fa a ne a le mopresidente.

Tshegofatso Mothibedi o buisana le mopresidente wa sesole sa pele sa ntwa sa ANC,MKMVA, Kebby Maphatsoe , ka maikaelelo a bona a go kokoana kwa ntle ga legae la mopresidente wa pele Jacob Zuma go thibela mapodise go ka tshwara Zuma.

Tshegofatso Mothibedi o buisana le moitseanape wa molao Adv Mosima Rasesemola le wa merero ya dipolitiki Dr. Bernard Sebake ka tsheka-tsheko ya molao le ditlamorago tsa sepolitiki malebana le go atlholelwa kgolegelong ga mopresidente wa pele wa naga Jacob Zuma.